Jump to content

Nathi

Go tswa ko Wikipedia

Nkosinathi Mankayi (o tshotswe ka ngwaga wa 1982 ka kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro), yo o itsegeng ka leina la Nathi, ke seopedi le mokwadi wa dipina wa

Nathi
Leina la MatsaloNkosinathi Mankayi
Tsalo (1982-12-23) 23 December 1982 (age 43)
Mthatha, Eastern Cape, South Africa
MefotaAfropop, afrosoul
DitiroSinger-songwriter
DidirisiwaVocals
Dingwaga tsa a le mo boopeding2000–present
LabelsGhetto Ruff/Muthaland
Gallo Record Company

Aforika borwa. [1]

O ne a tlhagelela thata fa a ne a ntsha pina ya gagwe e e tumileng e e bidiwang " Nomvula " mo alebamong ya gagwe ya ntlha ya Buyelekhaya e e neng ya gapa dimpho gararo . Moragonyana o ne a ntsha alebamo ya gagwe ya bobedi e e bidiwang Umbulelo Wam ka ngwaga wa 2016 ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borobabobedi. Gompieno o tsene mo tumalanong le kompone ya Gallo Record. Ka ngwaga wa 2025 o ne a ntsha pina ya gagwe e e bidiwang "Bhunguza lam" le Lazola le ba bangwe.

Botshelo jwa go sale gale

[fetola | Fetola Motswedi]

Nkosinathi Mankayi o tshotswe mo gare ga bana ba le batlhano fa tlase ga tlhokomelo ya mme Mthatha, ba nna mo torotswana kwa Kapa Botlhaba, Aforika borwa . [2] O goletse kwa Maclear, Kapa Botlhaba, Aforika Borwa kwa a neng a tsena sekolo a bo a nna le kgatlhego mo kopelo le mo ditshwantshong. Ka ngwaga wa 2006, Nathi o ne a atlholelwa dingwaga di le borobabobedi kwa kgolegelong ka ntlha ya molato o amanang le go senya le go thuba ka ngwaga wa 2002. Le fa go ntse jaalo, o ne a gololwa morago ga go dira dingwaga di le 4.

Ngwaga wa 2004 go ya kwa go wa 2014: Kwa Tshimologong

K akeletso e a neng a na le yone ya go aga tiro ka go opela, Rre Nathi o ne a tsenelela dikgaisano tsa boopedi mo lefelong le a neng

  1. ↑ "My life changed this year – Nathi on prison, the arts & 2016". http://m.news24.com/news24/Live/Entertainment/Music/my-life-changed-this-year-nathi-on-prison-the-arts-2016-20151223.
  2. ↑ "Nathi – Buyelekhaya". Muthaland Entertainment. Retrieved 7 June 2016.